Browse Results

Showing 101 through 125 of 144 results

Lobisa Radipitse Tswana Drama: UBC uncontracted

by S. A. Moroke

Ke mo go e nngwe ya dipolase tse batho ba Bantsho ba nang le tetlelelo ya go di reka mo tikologong ya Tlhabane (Rustenburg). Go eme ntlo e ntle ya dipota tsa ditena le marulelo a masenke, le difensetere tsa digalase. Ke lona legae la ga Jakopo Radipitse le mosadi wa gagwe Lobisa. Gaufi le ntlo e ntle e, go eme ntlwana ya dipota tsa mmu le marulelo a bojang. Ke ntlwana e Jakopo Radipitse a e agetseng monnawe, Lorole, le batlhanke ba gagwe ba ba tona.

Metsi A Mokgakwana: UBC contracted

by Ka Mosala W. Huma

Metsi A Mokgakwana Setswana Poetry Grade 11 prescribed literature CAPS

Metsi A Mokgakwana: UBC uncontracted

by Ka Mosala W. Huma

Metsi A Mokgakwana Setswana Poetry Grade 11 prescribed literature CAPS

Samorerwana: UBC Contracted

by Mokgatlha D Mothoagae

Lokwalo lo, Samorerwana, lo anela ka ga kgosi e e bonolo e e letlelelang motlhanka go nyala morwadi'a yona. Motlhanka o simolola go gabalalela ditsabangwe, o nna megagaru, o boa a ruta morwadiakgosi boradia le bolotsana, jo kwa morago ba iphatlhang ka bona. Mokwadi ga a gane ka ditiragalo, ga a didimalela sepe, o go naya khumo ya puo ya Setswana, o ntse o fisegela gore o go isa kae.

Samorerwana: UBC Uncontracted

Selelo sa mmoki: UBC Contracted

by Motlase C.D. Mogotsi

Setswana poetry

Selelo sa mmoki: UBC Uncontracted

by Motlase C.D. Mogotsi

Tswana Poetry

Basadi, lwa reng?: UBC Contracted

by Thatayaone Gilbert Motsaathebe

Basadi, lwa reng? ke padi e e thadisang ka ga dikgwetlho di le mmalwa tse Batswana ba itemogelang tsona mo botshelong jwa segompieno. Thitokgang e ama dintlha di tshwana le sekgajaja sa HIV/Aids, boimana jwa bašwa, tiriso ya diritibatsi, tiriso e e botlhaswa ya basadi ga mmogo le pipamolomo e e ratwang bobe ke badiredipuso. Setlhogo sa padi se maleba mme e bile se gwetlha basadi go ema ka dinao, go bopa mekgatlho ya go lwela ditshwanelo tsa bona le go itshereletsa kgatlhanong le go jewa ntsoma. Basadi ba tshwanetse go nna matlhagatlhaga, ba nonofe ba bo ba nne pelotelele fa ba batla go fitlhelela ditlhologelelo tsa bona. Kedibone o tlhagiswa jaaka moanelwamogolo yo maikaelelo a gagwe e leng go thusa basadi ba ditshwanelo tsa bona di gatakiwang ka dinao. Kedibone o lemoga se morago ga go jewa ntsoma ke Basinyi. Ka setlhogo Basadi, lwa reng? mokwadi o botsa potso e karabo ya yona e fitlhelwang mo ditiragalong tsa padi. Mosadi o botsa basadi gore a mme go siame gore ba dirisiwe ke banna ka maipato a lorato jaaka Kedirile a dirisitswe ke Basinyi? Moanelwamogolo Kedibone o tsaya maikarabelo a go bula basadi matlho gore ba ikemele, fa ba sa batle go thanya lomapo le le tsebeng. Thitokgang e nngwe e e fitlhelwang mo pading e ke ya bolaledi le bosenyi. Ditiro tsa bosenyi di tlhagisitswe sentle, ka moanelwa Basinyi. Basinyi ke leferefere la lenweenwee le le dirang ditiro tsa bosenyi ka matsetseleko. Jaaka go twe leina lebe seromo, mo go Basinyi leina le ile boreelelong. O tsieditse Kedibone le Kedirile ka maaka le bonweenwee. O na le baemedi kwa sepodising le kwa boemafofaneng. O na gape le babueledi ba dikgeleke. Bolaledi bo tlhagisiwa sentle tota. Le fa mapodisi a se na dikoloi tse di lekaneng le didiriswa dingwe tsa botlhokwa, a bonala a tlhoafetse mo tirong ya ona ya go tshwara disenyi. Mokapotene Kebareng o tlisa tsholofelo le fa tota Lefapha la Sepodisi le aparetswe ke mathata a bobodu le boferefere. Baanelwa ba padi e ke ba madi le nama jaaka batho ba re tshelang le bona. Go na le baanelwabagolo gammogo le baanelwabannye. Ditiragalo dikgolo di totile baanelwabagolo mme baanelwabannye ba thusa go aga maitshetlego a padi. Mokwadi o tlhagisa ditiragalo tse di kitlaneng sentle, ka poloto e e itogileng semelemethe jaaka noga. O dirisitse puo ya bontshwantshi e gogelang. Buisa o tle o ijese monate!

Noolwaneya molelo

by Deborah Namugosa Beatres Nabune Alison Tukei and Rose Sabano — Translated by Abea Mogope Nkashe

Setswana — First sentences

Go bala dikatse

by Nina Orange TRANSLATED BY Lorato Trok

Setswana – First sentences

Reetsa mmele wa me

by Noni Translated by Abea Mogope Nkashe

Setswana First sentences

Segarona Buka ya morutwana 11: UBC contracted

by Ee Pooe Be Nkashe Bg Phuti Nb Kgosikoma Rm Moiloa DR Mahoko

• E a gaisa gonne e kwadilwe ke ditswerere tsa bokwadi go akaretsa Caps • E a gaisa gonne e na le ditshwantsho le ditiro tseo di ikaeletseng go tokafatsa dipholo le go rotloetsa barutwana • E a gaisa gonne e tshegetsa barutabana ka go ba sonagela nako fa ba ruta le go nolofatsa go ruta ka e akaretsa matlakala a a gatisegang bonolo. • E a gaisa gonne e nonofile le go ntsha dipholo tse di atlegileng tsa ditlhatlhobo.

Segarona Buka ya morutwana 11: UBC uncontracted

Melodi ya Poko: UBC Contracted

by Rm Ramagoshi

Melodi ya Poko ke kgoboko ya poko e ntšhwa e e tlhagafatsang, e kwadilwe ke baboki ba ba farologaneng ba mo nageng ka bophara mme ba tsweletsa dipaka le ditaele tsa botshwantshi tse di farologaneng. Kgoboko e, e tlhophetswe barutwana ba Mophato wa 12 ke Lefapha la Thuto mme e latela ditlhokego tsotlhe tsa Pegelo ya Pholisi ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo ya Setswana Puo ya Gae Mophato wa 12. Melodi ya Poko e tsweletsa diponagalo tse di ikgethileng tse di latelang: • matseno a a neelang barutwana lemorago la poko ka maikaelelo a go godisa kutlwisiso ya bona le gore ba itumelele poko • lokwalotshelo lwa mmoki mongwe le mongwe le le neelanang ka botshelo le ditiro tsa gagwe • dintlha tsa thuto ka ga poko tse di neelanang ka tshedimosetso ya lemorago la maboko, diponagalo tsa mefuta e e farologaneng ya maboko tse di tla thusang barutwana ka tshekatsheko ya maboko a a thata le go ba thusa ka ditiro tsa mo phaposing tsa morutwana ka nosi, barutwana ka bobedi le tsa setlhopha • lenanefoko kwa bofelong jwa kgoboko, lona le neelana ka ditlhaloso tsa mareo a poko tse di tla thusang barutwana go tlhaloganya poko bonolo • dipotso tsa mofuta wa tlhatlhobo tsa mangwe a maboko a a leng mo kgobokong di tla ba thusa go ikatisetsa tlhatlhobo ya makgaolakgang le dikarabo tse di ka solofelwang le tsona di neetswe go lekanya bokgoni jwa barutwana • tshupetso fa o sena go itepatepanya le kgoboko e, o tla rata go ithuta go ya kwa pele ka baboki le ditiro tse dingwe tsa bona.

Melodi ya Poko: UBC Uncontracted

Mekgatitswane e e bosula le Dikgolomodumo mo Boitlhamelweng jwa Bonetetshi

by Rosemary Golding and Ruth Pressler

Setswana Puo ya Gae Kereite ya 6

Moagisani yo o modumo le Dikgang tse dingwe

by Rosemary Golding and Ruth Pressler

Pendo kgomo ya rona

by Ruth Odondi — Translated by Lorato Trok

Setswana — First words

Malakabe a pelo

by G Segone

Ditiro Mogale o itumetse – ke ngwaga yo o dirang Mophato wa 9 mme dilo tsotlhe di mo tsamaela sentle mmogo le balelapa la gaabo le ditsala. Ke ntsalaagwe Tshetsana fela yo o nang le lekau le a intshang le lona ka sephiri. Ditiro o tshwenyegile thata ka ene. Ke Keneilwe fela yo o itseng gore o tshwenyegile go le kana kang – Ditiro ga a batle go bolelela bagolo kwa gae gonne ga a batle go tsenya Tshetsana mo mathateng. Dithuto tse Ditiro a di fitlhelang kwa sekolong di mo tsenya tsebetsebe le go feta fa a akanya ka ga Tshetsana. Tota le go ba jela nala ga magodi ba gaabo ga go kokobetse makgwafo a gagwe ka ntlha ya mathata a ba yang ba a lebile. Fa ngwaga o tsweletse o ya, ditsala di ithuta ka ga nnete e e utlwisang botlhoko ya botshelo. Le fa go ntse jalo, go na le semaka se sentle se se mo letlhakoreng la ga Ditiro kwa bokhutlong jwa kanelo e. Bašwa ba Mophato wa 9 ba tla ikutlwa e kete ba inyalanya le Ditiro le ditsala tsa gagwe malebana le kgolo ya bona.

Motse wa gauta

by G Segone

Ditiro Mogale o ne a tshwanelwa ke go tlogela tse a neng a di tlwaetse e bile a di itse kwa morago. O leba kwa toropokgolong, ena le mmaagwe le monnaawe go ya go nna le rangwaneagwe. Ditiro o tshwenngwa ke diphetogo tse di tla nnang teng mo botshelong jwa gagwe. Go feta fa, e bile o ya kwa sekolong se segolwane! Botshelo kwa toropokgolong bo bontle e bile bo a itumedisa. Matsapa ke fa a ne a lemoga gore maphatsiphatsi otlhe ga a kaye gore ke gauta! Mmaagwe o ne a sa itumelela dithulaganyo tse di dirilweng tsa botshelo jo boswa – tota le balelapa la ga rrangwaneagwe ba ne ba sa itumela. Gantsi go nna thata go motho mang kana mang go ithuta ditsela tse dintšhwa tsa botshelo. Ka fa letlhakoreng le lengwe go sekolo se sešwa – le go lemoga e kete o saletse kwa morago ka dithuto tsa gagwe fa a ipapisa le balekane ba gagwe. Keneilwe le ene o ne a tshwanelwa ke go fudugela kwa toropokgolong gaufi le kwa Ditiro a nnang teng mme botsala jwa bona bo tla tswela pele. Ga nna botoka gore bonnye, sengwenyana mo botshelong jwa gagwe ke sa setlwaedi. Ditiro o lemoga gore ke setswerere sa kgwele ya dinao mme o dirisa motshameko o go tlosa kgakanego e e mo go ene tebang le sekolo, kwa lelapeng la gaabo le ka ga botsala jwa gagwe le Keneilwe mo tsamaong ya gagwe ya Mophato wa 8. Ngwaga oo, o fela ka maikutlo a a kwa godimo mo go Ditiro le Keneilwe. Kanelo e, e tlaa go tlogela o gamaregile, o eletsa go itse gore go tlaa diragala eng kwa pele.

Rramabole tota

by G Segone

Ditiro Mogale o ne a le thari go ya kwa sekolong fa a tla rakana le Keneilwe. Botsala jwa bona bo simologa fa ba ne ba tshwanetse go sala kwa sekolong go tsweletsa kotlhao ya bona mmogo. Fa botshelo jwa ga Ditiro bo simolola go raraanela kwa pele, ya nna tšhono ya go godisa botsala joo. Lemao, yo e neng e le tokololo ya setlhopha sa basimane ba ba neng ba tshabega ba Mophato wa 7, o kgerisa Ditiro gore a dumele go tsenela setlhopha sa bona le go tsaya karolo mo ntweng ya mabole a a sa sireletswang. Bogolo jwa nako ya ga Ditiro bo tsewa ke go tshwenyega ka kgang e mme ga a kgone go e bolelela ope fela fa e se Keneilwe. Ke ka ntlha ya eng balelapa la ga Ditiro ba sa rate fa a ka tsenela mabole? Kgatelelo ka balekane. Barutabana. Ruri Mophato wa 7 ga o bonolo! Fa kgang e ya magoletsa, re ithuta thata ka ga ditsala tse pedi tse, le ka fa ba neng ba thusana mathata a bona le go phologa mo Mophatong wa 7!

Segwagwa se falola leso

by Selolo Nare Joyce TRANSLATED BY Dineo Moatshe

Setswana – First Paragraphs

Pidipidi le ditsala

by Gladness Simelane

E ke tlhatlhamano ya dipadiso tse di itumedusang tse e leng motswedi o o tlhotlheletsang barutabana go ngokela le go rotloetsa baithuti mo phaposing. Buka nngwe le nngwe e tlhamilwe ka kelotlhoko e bile e siametse go tshegetsa baithuti ba e leng gona ba simololang go ithuta Setswana.

Bana ba kerese

by Southern African Folktale — Translated by Lorato Trok

Setswana — First sentences

Refine Search

Showing 101 through 125 of 144 results