Browse Results

Showing 101 through 125 of 144 results

Boka re Utlwe: UBC uncontracted

by T. V. Magasa E. Metsileng H.E.M. Khoali

Maboko ke seikokotlelo sa rona gore re kgone go itse, go ikgantsha ka puo ya rona e bile re seka ra e lebala. Mo bukeng e, go tlhaloswa thata diteng tsa leboko lengwe le lengwe. Tiriso ya puo e a kgatlhisa. Go na le dipotso tse dileele, tse dikhutswane le dikarabo tse di lebeletsweng.

GA SE LORATO: UBC Contracted

by M. J. Magasa

Ga se lorato ke padi e e rutang maikarabelo le go tshepagala. Motsamai ga a tlhokomele bana le mosadi, fela o kgona go direla bakapelo ba gagwe. Kwa ga gagwe go maswe mme bana ba gagwe ba bolawa ke tlala, o palelwa ke go ba tlamela ka R300 fela. Lwa ntlha Motsamai o ratana le Angeline, a mo agela ntlo. A ratana gape le Suzan, ene a mo agela lebenkele. Lwa bofelo a ratana le Gladys mme le ena a mo tsenyetsa metsi mo segotlong a ba a godisa ntlo ya gagwe. Botlhe ba ne ba mo koba fa a fetsa go ba direla tse ba neng ba di tlhoka. O boela kwa ga gagwe mme o fitlhela Lesego e setse e le morutabana, mme Emang ena e le mooki. Mmaabona Gadifele le ena a iponetse tiro. Botshelo bo monate kwa ntle ga gagwe. Fa a setse a boile mme a tlhoka madi a bile a kobilwe kwa tirong, ga go yo o mo tlhokomelang kwa ga gagwe. Bana le mmaabona ba ikela kwa ba ratang, ba mo siya a le esi. Pelo ya ga Motsamai e nna botlhoko mme o wela fa fatshe.

GA SE LORATO: UBC Uncontracted

Go itumela le go hutsafala

by Madhav Chavan ADAPTED BY Atang -Madhav Malik

Setswana – First words

Setswana Tota Mophato wa 7: UBC Contracted

by M. E Maboee M Ramashala

Buka ya Setswana Tota Mophato wa 7-9, ke nngwe ya dibuka tsa motseletsele wa dibuka tsa Setswana Puo ya Gae. Setswana Tota e na le dikarolo tse di latelang: Buka ya Barutwana, Buka ya go Buisa le Kaedi ya Morutabana. Dibuka tse di tshotse tse di latelang: Go bonolo go dirisa dibuka tse ka gonne kagego le tsamaiso ya tsona e latelega bonolo, mme di ikamaganya le Pegelo ya Pholisi ya Bosetšhaba ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo. Motseletsele o wa dibuka o kwadilwe ke barutabana ba ba nang le maitemogelo le baitseanape ba kharikhulamo. Buka ya barutwana ya Setswana Tota e thusa barutwana ka tse di latelang: • E tlhalosa ka tsenelelo bokgoni mo kharikhulamong ya puo jaaka, go reetsa le go bua, go buisa le go lebelela, go kwala le go tlhagisa. Popego ya puo le melawana ya tiriso di lomagantswe mo dikarolong tsotlhe tsa puo. • Ditiro tse di filweng barutwana di ba thusa go tlhaloganya le go nna le kitso e e tseneletseng ya go kwala dikgangkhutshwe, diathikele tsa makwalodikgang, go buisa le go tlhaloganya ditshwantsho le dikhathuni le tse dingwe. • Kgweditharo ya bone e na le ditlhatlhobo tse di thusang barutwana go ipaakanyetsa tlhatlhobo ya bofelo jwa ngwaga le go ba sedimosa ka dipotso tse ba ka di solofelang le gore ba ka di araba jang. • Barutwana ba sedimoswa ka go ithuta dikwalo gore ba tle ba kgone go tlhaloganya le go sekaseka dikwalo tsotlhe tse ba di tlhaoletsweng mo mophatong wa 7-9. Kaedi ya Morutabana E na le diteng tse di tlhaloganyegang tsa kgweditharo nngwe le nngwe. E naya morutabana tshedimoso e e tseneletseng ka kharikhulamo le go mo kaela go dirisa buka ya morutabana ka iketlo. E kaela morutabana ka ditiro tsa tlhatlhobo le go thusa barutwana ba ba nang le bokoa. Kgweditharo nngwe le nngwe e na le ditiro tsa tlhatlhobo le dimemorantamo tsa tsona. Buka ya go Buisa E tletse ka dikgang tse di monate tse di amang matshelo a barutwana. Buka e e akaretsa dikwalo tse di farologaneng jaaka: • Poko • Dikgangkhutshwe • Dinaane le • Terama. Mo bofelong jwa sekwalwa sengwe le sengwe go na le dipotso tse di thusang morutwana go gakologelwa se a se buisitseng.

Setswana Tota Mophato wa 7 Buka ya Barutwana: UBC Uncontracted

Ntlhomole Mmutlwa: UBC Contracted

by Othusitse Moses Lobelo

Matsetseleko, jaaka leina la gagwe le itlhalosa, o nna matsetseleko mo go boneng gore maikemisetso le ditoro tsa gagwe di a diragala. O tlogela legae la gagwe, ka pelo e e botlhoko, go ya go senka bokamoso jo bo botoka. Batsadi ba Matsetseleko ba lemoga fa ngwana a ineile naga, ba leka ka tsotlhe gore a bonwe goa pala. Erile a setse a bone katlego a kopana le batho ba batla go mo tlhomola mmutlwa gore a gate a gatoga. Bofelong o boela gae a fitlha a tlhomola motse wa gaabo a o tlhabolola. Padi e humileng ka Setswana ke ya ga OM Lobelo o tswileng mo legatong la bobedi mo ngwageng wa 2010 mo Literature Awards. Barutwana batla ithuta ka go nna le maikaelelo le ditoro go di sireletsa le go di diragatsa.

Ntlhomole Mmutlwa: UBC Uncontracted

Ke rata go buisa

by Letta Machoga TRANSLATED BY Lorato Trok

Setswana – First words

Via Afrika Ditlhangwa tsa setso Setswana Puo ya Gae Mophato 12: UBC uncontracted

by Batlhami Gape Leeuw Botsang Lekome Christopher Mooa

A o batla go ikitse? A o batlana le setlhangwa se se ka tsosolosang boleng jwa kitso ya tlholego mo go wena? A o batla go falola marematlou a gago ka dipholo tse di tsabakelang dinaledi? Fa go le jalo se etsaetsege, setlhangwa sa rona sa setso sa `Via Afrika` Mophato 12, se teng go go tlhaba matlhale-dinaane tse di supang boitlhamedi jo bo manontlhotlho, tse di lepalepanang le dinako, ditshwantsho tse di tlhapileng jaaka dinaledi, maboko a a gakololang motho setso sa gagwe, puo e e nopolegang ya diane le maele mmogo le dithamalakwane tsa maloba, maabane le gompieno. Botlhokwa jwa buka e go Motswana mongwe le mongwe yo o ipelang ka puo ya gaabo, e e leng letlotlo la polokelo ya botlhokwa ya melao le setso, bo ka se lekanngwe le sepe. E dire karolo ya loeto lwa botshelo jwa gago, o somarela puo le ngwao tsa gaeno. Tsotlhe tse, di tlhagisiwa ka thulaganyo e e sa tseiseng ope sedidi, ka dipotso tsa boleng jo bo kwa godimo. Setlhangwa se, se arabela ka botlalo ditlhokego tsa Pegelo ya Pholisi ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo. Ga se setlhangwa sa barutwana kwa dikolong fela, ke sa motho mang kgotsa mang yo o nyoretsweng go ikitse.

Via Afrika Ditlhangwa tsa setso Setswana Puo ya Gae Mophato 12: UBC contracted

Morutabana Moipone

by Lawrence A. Konjuro TRANSLATED BY Lorato Trok

Setswana – First sentences

Go kgabaganya tsela

by Kurt Ellis; Kate Boyes

Storybook about Zak Yacoob

Dikatse tsa ga Selemeng

by Khothatso Ranoosi and Marion Drew TRANSLATED BY Lorato Trok

Setswana – First sentences

Tshoswane o thusa Leeba

by Kholeka Mabeta and Judith Baker — Translated by Lorato Trok

Setswana — First sentences

Sepedi Polelo ya Gae Mphato 6 Padi: UBC Contracted

by J. R. Kgwete J. L. Motlotsi M. R. Pete

Padišo ye e swanetše go šomišwa le Sepedi Polelo ya Gae Mphato wa 6 Puku ya moithuti le Puku ya morutiši.

Segwagwa le Noga

by John Emongot — Translated by Lorato Trok

Setswana — First level

Orville le Wilbur le Pipit o fofela kwo godimo go ba gaisa botlhe

by Jim Draper and Linda Michell

Setswana Puo ya Gae Kereite ya 6

Motsemogolo wa canvas le Dikgang tse dingwe

by Jenny Seed and Ruth Pressler

Setswana Puo ya gae Kereite ya 6

Moses le tshwene le Botsala jo bo sa tlwaelegang

by Jenny Seed and Linda Michell

Setswana Puo ya gae Kereite ya 6

Kno ga e dupe: UBC uncontracted

by M. M Itumeleng

Go botlhokwa gore barutwana ba buise le go tlhaloganya diponagalo tsa padi pele ba ka simiolola go buisa padi. Maikaelelo ke go ruta barutwana ka ga diponagalo tse di tla ba thusang go sekaseka padi nngwe le nngwe ka tsenelelo

Nko ga e dupe: UBC contracted

by M. M Itumeleng

Go botlhokwa gore barutwana ba buise le go tlhaloganya diponagalo tsa padi pele ba ka simiolola go buisa padi. Maikaelelo ke go ruta barutwana ka ga diponagalo tse di tla ba thusang go sekaseka padi nngwe le nngwe ka tsenelelo

Tingi le dikgomo

by Ingrid Schechter Translated by Anna Lekganyane

Setswana First sentences

Mosima o o Lefifi: UBC Contracted

by T. Goosen

Setswana Puo ya Gae Kgato ya magareng Puiso e lekanyeditsweng go ya ka maemo Intermediate Phase Graded Reading Scheme ya Via Afrika e na le dipadi di le 36 tse di tlhametsweng go naya baithuti dikwadilweng tse di buisiwang tse di farologaneng tse di nnang di raraana fa tlhatlhamanong e ntse e tswelela. Dipadi tsa dikereiti tse di rileng di kgaoganngwa ka ditlhopha tse tharo: Dikwalo tsa maitlhamelo, Dikwalo tsa botlhamo tsa boammaaruri, Dikwalo tsa maitlhamelo tsa boammaaruri. Ditshwantsho tsa mebala ka botlalo le ditlhogo-thuto tse di kgatlhang thata di netefatsa gore baithuti ba tsamaisane le dipadi mme ba godise bokgoni jwa bone jwa go bala. Dipotso tse di kwa bofelong jwa padi nngwe le nngwe di ka dirisiwa mo puisanong ya setlhopha go phepafatsa go tlhaloganya se baithuti ba se buisitseng. Via Afrika Kgato ya magareng Puiso e lekanyeditsweng go ya ka dikgato e kgaogantswe ka dikereiti di le tharo: Buka ya puiso 1 go ya go 12 tsa Mophato ya 4; Buka ya puiso tsa 13 go ya go 24 tsa Mophato ya 5; Buka ya puiso tsa 25 go ya go 36 tsa Mophato ya 6. Lefa go ntse jalo, baithuti bangwe ba ka nna ba bona dipadi tse di kwa godimo tse di kwa tlase ga kereiti ya bone di siametse bokgoni jwa bone jwa go buisa. E ke Buka ya puiso 35, Dikwalo tsa maitlhamelo, Mophato 6 – bona gore e tsena fa kae mo Thulaganyong ya rona ya Puiso ya Dikereiti mo khabareng ya ka fa teng ya mo tshimologong ya buka eno.

Motlamparelo o mogolo le Melemo ya kalafi ya ka fa tlase ga maekerosekopo

by Gillian Leggat and Linda Michell

Setswana Puo ya Gae Kereite ya 6

Refine Search

Showing 101 through 125 of 144 results