Browse Results

Showing 126 through 144 of 144 results

Dikgono tsa Botshelo BUKA YA TIRO

by J. Dommisse P. Espi-Sanchis R. Naidoo A. Siegrühn-Mars K. Saadien-Raad G. Van Heerden

Bukatiro ya Oxford Successful ya Bokgoni jwa Botshelo ya Kereite 1 ke karolo ya serutwa sa Bokgoni jwa Botshelo sa Kereite 1 sa Oxford Successful. Se se akaretsa Kaedi ya Morutabana ya Bokgoni jwa Botshelo ya Kereite ya 1 ya Oxford Successful le Buka ya Moithuti ya Bokgoni jwa Botshelo ya Kereite ya 1 ya Oxford Successful. Maikaelelo a Bukatiro eno ke go neelana ka ikatiso e e lekaneng go kopanya kitso le bokgoni jwa barutwana.

Dikatse tsa ga Selemeng

by Khothatso Ranoosi and Marion Drew TRANSLATED BY Lorato Trok

Setswana – First sentences

Di Tibang ka Tlhogo Petseng ga di na Boyo: UBC Contracted

by Ctr Tlhoaele

Di tibang ka tlhogo petseng ga di na boyo Fa motho a itse petse, o tla itse gore ga se lefelo le go tshamekelwang gaufi le lona. Padi e e ntse jalo. E boteng jaaka petse, mme e tlhoka gore mmadi wa yona a e buise a bofile ditlhako sentle. E ka kgobera maikutlo a mmadi kwa botennyeng le go mo gwetlha go ipona le go ipatlisisa mo go yona. E ka nna segakolodi mo bathong ka kakaretso. Lerato le lentle; le monate; le bile le a ratega. Fela fa o sa nne tsebentlha, wa itota, le tle le nne diphatsa, le tsenye motho mo dipharagobeng. Ngwana wa mosetsana o na le go butswetsa moratano pele ga wa mosimane. Go fitlhelwe e re fa a di fatlhogela, a bonwe a ithuta pele ka basimane ba bagolo mo go ena mme moragonyana a boe a je mokaragana le dithaka tsa gagwe. Go tle go bonwe monnamogolo a taboga le magammana, go bo go twe ga a na maitseo. Go lebalwe gore mo botshelong, monna o a tle a nyale mosadi a fetwa ke gofejane wa gagwe ka dingwaga. Ga se botlhokatsebe kana maitsholo; ke botshelo, bo ntse jalo. Re a bo re retelelwa ke go bo tlhaloganya. Mmadi, ke go laletsa go buisa padi e ka kelotlhoko, mme o ithute sengwe mo go yona.

Di Tibang ka Tlhogo Petseng ga di na Boyo: UBC Uncontracted

Botsang Rre: UBC Uncontracted

by W. Tamsanqa

Botsang Rre ke terama ya Setswana e buang ka dingwao le setso sa Setswana. Bogologolo batsadi e ne e nna bona bao ba tlhophelang morwa wa bona molekane. Mo bukeng e, re bona phetogo: Boikobo morwa wa Goitsenna o rakana le rragwe. Lekau le, ga le dumele gotlhelele go tlhophelwa mosadi. Mo letlhakoreng le lengwe Boipogisho ga a dumele gotlhelele go tlhopelwa monna. Ga go na boitumelo mo lo lapeng ka ntlha ya go tlhoka kutlwisisano ga morwa le rre. Boipogisho o feditse ka gore a tseye botshelo jwa gagwe ka ntlha ya gore a swabisiwe ke moratiwa wa gagwe Boikobo. Boikobo a re molato otlhe o rwesiwe rragwe. Ipuisetse buka e, gore o ikutlwele tse di tla diragalang.

Botsang Rre: UBC contracted

Boka re Utlwe: UBC contracted

by T. V. Magasa E. Metsileng H.E.M. Khoali

Maboko ke seikokotlelo sa rona gore re kgone go itse, go ikgantsha ka puo ya rona e bile re seka ra e lebala. Mo bukeng e, go tlhaloswa thata diteng tsa leboko lengwe le lengwe. Tiriso ya puo e a kgatlhisa. Go na le dipotso tse dileele, tse dikhutswane le dikarabo tse di lebeletsweng.

Boka re Utlwe: UBC uncontracted

Boima Le Bofefo

by Clare Verbeek Thembani Dladla and Zanele Buthelezi TRANSLATED BY Lorato Trok

Setswana – First words

Bogosi kupe: UEB Contracted

by D.P. Semakaleng Monyaise

Bogosi Kupe e thadisa ka thitokgang ya bogosi le lorato. Go na le dithitokgang di le pedi tse di nyalanang e bile di tsamaelana. Bogosi ke mokgwa wa setso o o supang ka mo puso ya Batswana e tsamaisiwang ka teng. Kupe ke selo se se tlhodilweng ke Modimo. Fa Monyaise a re"Bogosi Kupe" o kaya gore bogosi bo ftlhodilwe ke Modimo. Go ya ka ene bogosi bo a tsalelwa. Bogosi ke mpho e e tswang mo Modimong, ga se letsoku, ga bo itlodiwe.

Bogosi Kupe: UEB Uncontracted

by D.P.S. Monyaise

Bogosi Kupe e thadisa ka thitokgang ya bogosi le lorato. Go na le dithitokgang di le pedi tse di nyalanang e bile di tsamaelana. Bogosi ke mokgwa wa setso o o supang ka mo puso ya Batswana e tsamaisiwang ka teng. Kupe ke selo se se tlhodilweng ke Modimo. Fa Monyaise a re"Bogosi Kupe" o kaya gore bogosi bo ftlhodilwe ke Modimo. Go ya ka ene bogosi bo a tsalelwa. Bogosi ke mpho e e tswang mo Modimong, ga se letsoku, ga bo itlodiwe.

Bogole ga se go palelwa

by Agnes Mabururu Translated by Lorato Trok

Setswana First sentences

Bodibeng jwa Matlhomola: UBC Uncontracted

by D. S. Matjila

Bodibeng jwa Matlhomola ke padi ya Setswana e e kwadilweng ke Moporofesara D.S. Matjila. Padi e, e touta kgankgolo e e senolang masisapelo, matlhotlhapelo le kutlobotlhoko e e aparelang batho fa ba sa tshedisane jaaka bagolole kgotsa borrammogo. Totatota thitokgang e, ke ya sepolotiki foo basweu ba lwelang go tlhaola, go ja ntsoma le go gatelela bantsho mo lefatsheng la bona, mme bantsho bona ba lwa kgatlhanong le tlhaolele le lenyatso tse di bakiwang ke megagaru. Matjila o dirisa ditsenagare di tshwana le poelomorago le polelelopele go golaganya le go fa ditiragalo lemorago le le kgwedisang. O itshupa sentle gore o dirile ditlhotlhomisi tse di tseneletseng e bile di le maleba tebang le hisetori le maitshetlego a ditiragalo tsa padi a a jaaka Botswana, Lesotho, Aforikaborwa, jalojalo. Se se kgatlhisang bogolosegolo ka ditiragalo tsa padi e ke gore di kitlane e bile di na le kgogedi e e bakang phisegelo ya go buisetsa kwa pele go fihla kwa bokhutlong. Matjila o dirisa malepa a tshwana le kamo, (allusion) kgotlhang ya dikakanyo le dipelaelano tsa baanelwa gammogo le metswako ya dipolelo tse di repileng le tse di šakgetseng go tshola babuisi ba thantse. Bodibeng jwa Matlhomola e a re gopotsa e bile e re thusa go itlhaloganya le go tlhaloganya kwa re tswang teng gore re tle re kgone go tlhaloganya maemo a re tshelang mo go ona gajaana. A o ke o e buise o tle o utlwe ka ga: • mekgwa ya merafe e e farologaneng e re agisaneng le yona le ya Yuropa; • lenyalo la ga Kgosi Seretse Kgama le Mohumagadi Ruth Kgama; • tsholo ya bafaladi ba Aforikaborwa kwa mafatsheng a Aforika le a Yuropa; • tiriso ya dinaane le hisetori mo kelelong ya ditiragalo tsa padi. * Moporofesara P.M. Sebate

Bodibeng jwa Matlhomola: UBC Contracted

Bese e kgolo ya mmala wa botala jwa legodimo

by Mecelin Kakoro –Translated by Lorato Trok

Setswana First sentences

Basadi, lwa reng?: UBC Contracted

by Thatayaone Gilbert Motsaathebe

Basadi, lwa reng? ke padi e e thadisang ka ga dikgwetlho di le mmalwa tse Batswana ba itemogelang tsona mo botshelong jwa segompieno. Thitokgang e ama dintlha di tshwana le sekgajaja sa HIV/Aids, boimana jwa bašwa, tiriso ya diritibatsi, tiriso e e botlhaswa ya basadi ga mmogo le pipamolomo e e ratwang bobe ke badiredipuso. Setlhogo sa padi se maleba mme e bile se gwetlha basadi go ema ka dinao, go bopa mekgatlho ya go lwela ditshwanelo tsa bona le go itshereletsa kgatlhanong le go jewa ntsoma. Basadi ba tshwanetse go nna matlhagatlhaga, ba nonofe ba bo ba nne pelotelele fa ba batla go fitlhelela ditlhologelelo tsa bona. Kedibone o tlhagiswa jaaka moanelwamogolo yo maikaelelo a gagwe e leng go thusa basadi ba ditshwanelo tsa bona di gatakiwang ka dinao. Kedibone o lemoga se morago ga go jewa ntsoma ke Basinyi. Ka setlhogo Basadi, lwa reng? mokwadi o botsa potso e karabo ya yona e fitlhelwang mo ditiragalong tsa padi. Mosadi o botsa basadi gore a mme go siame gore ba dirisiwe ke banna ka maipato a lorato jaaka Kedirile a dirisitswe ke Basinyi? Moanelwamogolo Kedibone o tsaya maikarabelo a go bula basadi matlho gore ba ikemele, fa ba sa batle go thanya lomapo le le tsebeng. Thitokgang e nngwe e e fitlhelwang mo pading e ke ya bolaledi le bosenyi. Ditiro tsa bosenyi di tlhagisitswe sentle, ka moanelwa Basinyi. Basinyi ke leferefere la lenweenwee le le dirang ditiro tsa bosenyi ka matsetseleko. Jaaka go twe leina lebe seromo, mo go Basinyi leina le ile boreelelong. O tsieditse Kedibone le Kedirile ka maaka le bonweenwee. O na le baemedi kwa sepodising le kwa boemafofaneng. O na gape le babueledi ba dikgeleke. Bolaledi bo tlhagisiwa sentle tota. Le fa mapodisi a se na dikoloi tse di lekaneng le didiriswa dingwe tsa botlhokwa, a bonala a tlhoafetse mo tirong ya ona ya go tshwara disenyi. Mokapotene Kebareng o tlisa tsholofelo le fa tota Lefapha la Sepodisi le aparetswe ke mathata a bobodu le boferefere. Baanelwa ba padi e ke ba madi le nama jaaka batho ba re tshelang le bona. Go na le baanelwabagolo gammogo le baanelwabannye. Ditiragalo dikgolo di totile baanelwabagolo mme baanelwabannye ba thusa go aga maitshetlego a padi. Mokwadi o tlhagisa ditiragalo tse di kitlaneng sentle, ka poloto e e itogileng semelemethe jaaka noga. O dirisitse puo ya bontshwantshi e gogelang. Buisa o tle o ijese monate!

Bana ba kerese

by Southern African Folktale — Translated by Lorato Trok

Setswana — First sentences

Anansi Le Khudu

by Ghanaian folktale TRANSLATED BY Lorato Trok

Setswana – Longer Paragraphs

Refine Search

Showing 126 through 144 of 144 results