- Table View
- List View
Tsa-lerato O Ngwanaka: UBC uncontracted
by Mmabatho M MokokaKedibone moratiwa wa ga Obakeng o a ima mme Obakeng o lebane le go fetsa kwa Yunibesithing. Kedibone o boela morago kwa monneng o a mo tlhadileng mme monna o o itumeletse go tsaya molato wa ga Obakeng. Buisa! Kedibone falls pregnant, but her boyfriend is more focused on finishing school. Kedibone decides to go back to her ex- husband, who gladly accepts her pregnancy. Read how this story turns out!
Tsa-lerato O Ngwanaka: UBC contracted

Masego Padi le Dintlhathuto: UBC contracted
by G. MokaePadi e tla nna kgogedi e baithuti ba tla e itumelelang ka fa e bua ka tsa botshelo jwa Aforika Borwa pele go tokologo. Padi e e sisimosang ya maikutlo a a godimo e bua ka botshelo jwa batho ba ba kgaratlhetseng go tloswa ga melao ya kgethololo le kgatelelo ya Bantsho mono Aforika Borwa. Kgang e, e supa mathata ao bakgaratlhi ba kopaneng le one, le ka fao matshelo a bone a tshwaeditseng balosika le ditsala tsa bone ka gone. E akaretsa dintlha tsa leago le setho tse baithuti ba tla ikamaganyang le tsone. Ke e nngwe ya dikwalo tsa Mokae tse di balwang thata. Mokae, gape ke mokwadi wa diterama tsa dithelebishene.
Masego Padi le Dintlhathuto: UBC uncontracted

Ntlhabele Ke Utlwe: UBC contracted
by Km Mohulatsi Zs Dipale Eb MorokaneDitlhamane, dinaane, dianelabatho le mainane. • Dinoolwane tsa bogologolo le tsa segompieno le dikinane. • Maboko a thoriso, a dikgoro/ dikgotla, mafelo a ngwaoboswa le dipina tsa setso. • Dipolelo tsa setso, diane, maele le dithamalakwane. • Dikarabo le lenaanefoko.
Ntlhabele Ke Utlwe: UBC uncontracted
by Km Mohulatsi Zs Dipale Eb MorokaneDitlhamane, dinaane, dianelabatho le mainane. • Dinoolwane tsa bogologolo le tsa segompieno le dikinane. • Maboko a thoriso, a dikgoro/ dikgotla, mafelo a ngwaoboswa le dipina tsa setso. • Dipolelo tsa setso, diane, maele le dithamalakwane. • Dikarabo le lenaanefoko.
Via Afrika Setswana Puo Ya Gae Mophato 4 Buka ya puiso
by M. P Mogapi P. C. MooaBukapuiso eno e tshwanetse go dirisiwa le Setswana puo ya Gae Mophato 4 Buka ya morutwana le Kaedi ya morutabana.
Via AfrikaSetswana Puo ya Gae Mophato 5 buka ya puiso
by M. P. Mogapi P. C. MooaBukapuisano eno e tshwanetse go dirisiwa le Setswana Puo ya Gae Mophato 5 Buka ya morutwana le Kaedi ya morutabana.
Setswana Puo ya Gae Mophato 4 Buka ya morutwana: UBC Uncontracted
by M. P. Mogapi M. M. Mohulatsi B. P. Lekome N. N. SemenyaBuka e e na le dithutiso tse dintsi le tse di kgatlhang tse di tla go thusang go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go bua Puo ya Gae. O tla buisa dikanelo. O tla ikatisa go bua le go reetsa mo teng le ka kwantle ga phaposiborutelo. Gape o tla kwala mefuta e e farologaneng ya melaetsa le go buisana ka go itlhamela. Kwa bofelong jwa ngwaga o tla kgona go itlhalosa botoka go na le fa e le leng pele – o dirisa mefuta yotlhe ya go dirisa puo. A re simolole.
Setswana Puo ya Gae Mophato 5 Buka ya morutwana: UBC Contracted
by M. P. Mogapi M. M. Mohulatsi B. P. Lekome N. N. SemenyaBuka eno e na le dithutiso tse dintsi tse di kgatlhang tse di tla go thusang gore o kgone go bua Puo ya Gae ya galona. O tla ja monate, o tla ipelela go ithuta le balekane ba phaposiborutelo ya lona le go bona bokgoni jwa gago jotlhe bo tokafala. Fa o ntse o ikatisa, o tla nna botoka mo go bueng, go reetseng, go buiseng le go kwaleng ka loleme lwa galona. Gape go tla naya kgololesego ya go itlhalosa le go ikaga ka katlego.
Setswana Puo ya Gae Mophato 5 Buka ya morutwana: UBC Uncontracted
by M. P. Mogapi M. M. Mohulatsi B. P. Lekome N. N. SemenyaBuka eno e na le dithutiso tse dintsi tse di kgatlhang tse di tla go thusang gore o kgone go bua Puo ya Gae ya galona. O tla ja monate, o tla ipelela go ithuta le balekane ba phaposiborutelo ya lona le go bona bokgoni jwa gago jotlhe bo tokafala. Fa o ntse o ikatisa, o tla nna botoka mo go bueng, go reetseng, go buiseng le go kwaleng ka loleme lwa galona. Gape go tla naya kgololesego ya go itlhalosa le go ikaga ka katlego.
Setswana Puo ya Gae Mophato 6 Buka ya mortwana: UBC uncontracted
by M. P. Mogapi M. M. Mohulatsi B. P. Lekome N. N. SemenyaGo sa kgathalasege gore o mang, gore o dirang mo botshelong le gore o loga leano la go dirang mo isagweng, go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa Puo ya Gae ke sone senotlolo sa gore o ikage gore o kgone go atlega. Buka eno e tla go thusa gore o godise bokgoni jwa gago jwa go buisa, go kwala, go bua le go reetsa. O tla nna le dilo tse dintsi tse di kgatlhisang fa o ithuta tse dintsi ka ga puo ya gago, mme fa o dira ka natla o tla nna setswerere sa puisano kwa bofelong jwa ngwaga.
Setswana Puo ya Gae Mophato 6 Buka ya morutwana: UBC contracted
by M. P. Mogapi M. M. Mohulatsi B. P. Lekome N. N. SemenyaGo sa kgathalasege gore o mang, gore o dirang mo botshelong le gore o loga leano la go dirang mo isagweng, go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa Puo ya Gae ke sone senotlolo sa gore o ikage gore o kgone go atlega. Buka eno e tla go thusa gore o godise bokgoni jwa gago jwa go buisa, go kwala, go bua le go reetsa. O tla nna le dilo tse dintsi tse di kgatlhisang fa o ithuta tse dintsi ka ga puo ya gago, mme fa o dira ka natla o tla nna setswerere sa puisano kwa bofelong jwa ngwaga.
Setswana Tota Mophato wa 8 Buka ya Barutwana: UBC Contracted
by E Metsileng Mi Seate Rt TawanaBuka ya Setswana Tota Mophato wa 7-9, ke nngwe ya dibuka tsa motseletsele wa dibuka tsa Setswana Puo ya Gae. Setswana Tota e na le dikarolo tse di latelang: Buka ya Barutwana, Buka ya go Buisa le Kaedi ya Morutabana. Dibuka tse di tshotse tse di latelang: Go bonolo go dirisa dibuka tse ka gonne kagego le tsamaiso ya tsona e latelega bonolo, mme di ikamaganya le Pegelo ya Pholisi ya Bosetšhaba ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo. Motseletsele o wa dibuka o kwadilwe ke barutabana ba ba nang le maitemogelo le baitsenape ba kharikhulamo. Buka ya barutwana ya Setswana Tota e thusa barutwana ka tse di latelang: • E tlhalosa ka tsenelelo bokgoni mo kharikhulamong ya puo jaaka, go reetsa le go bua, go buisa le go lebelela, go kwala le go tlhagisa. Popego ya puo le melawana ya tiriso di lomagantswe mo dikarolong tsotlhe tsa puo. • Ditiro tse di filweng barutwana di ba thusa go tlhaloganya le go nna le kitso e e tseneletseng ya go kwala dikgangkhutshwe, diathikele tsa makwalodikgang, go buisa le go tlhaloganya ditshwantso le dikhathuni le tse dingwe. • Kgweditharo ya bone e na le ditlhatlhobo tse di thusang barutwana go ipaakanyetsa tlhatlhobo ya bofelo jwa ngwaga le go ba sedimosa ka dipotso tse ba ka di solofelang le gore ba ka di araba jang. • Barutwana ba sedimoswa ka go ithuta dikwalo gore ba tle ba kgone go tlhaloganya le go sekaseka dikwalo tsotlhe tse ba di tlhaolotsweng mo mophatong wa 7-9. Kaedi ya Morutabana E na le diteng tse di tlhaloganyegang tsa kgweditharo nngwe le nngwe. E naya morutabana tshedimoso e e tseneletseng ka kharihulamo le go mo kaela go dirisa buka ya morutabana ka iketlo. E kaela morutabana ka ditiro tsa tlhatlhobo le go thusa barutwana ba ba nang le bokoa. Kgweditharo nngwe le nngwe e na le ditiro tsa tlhatlhobo le dimemorantamo tsa tsona. Buka ya go Buisa E tletse ka dikgang tse di monate tse di amang matshelo a barutwana. Buka e e akaretsa dikwalo tse di farologaneng jaaka: • Poko • Dikgangkhutshwe • Dinaane le • Terama. Mo bofelong jwa sekwalwa sengwe le sengwe go na le dipotso tse di thusang morutwana go gakologelwa se a se buisitseng.
Setswana Tota Mophato wa 8 Buka ya Barutwana: UBC Uncontracted

Bese e kgolo ya mmala wa botala jwa legodimo
by Mecelin Kakoro –Translated by Lorato TrokSetswana First sentences
Bodibeng jwa Matlhomola: UBC Uncontracted
by D. S. MatjilaBodibeng jwa Matlhomola ke padi ya Setswana e e kwadilweng ke Moporofesara D.S. Matjila. Padi e, e touta kgankgolo e e senolang masisapelo, matlhotlhapelo le kutlobotlhoko e e aparelang batho fa ba sa tshedisane jaaka bagolole kgotsa borrammogo. Totatota thitokgang e, ke ya sepolotiki foo basweu ba lwelang go tlhaola, go ja ntsoma le go gatelela bantsho mo lefatsheng la bona, mme bantsho bona ba lwa kgatlhanong le tlhaolele le lenyatso tse di bakiwang ke megagaru. Matjila o dirisa ditsenagare di tshwana le poelomorago le polelelopele go golaganya le go fa ditiragalo lemorago le le kgwedisang. O itshupa sentle gore o dirile ditlhotlhomisi tse di tseneletseng e bile di le maleba tebang le hisetori le maitshetlego a ditiragalo tsa padi a a jaaka Botswana, Lesotho, Aforikaborwa, jalojalo. Se se kgatlhisang bogolosegolo ka ditiragalo tsa padi e ke gore di kitlane e bile di na le kgogedi e e bakang phisegelo ya go buisetsa kwa pele go fihla kwa bokhutlong. Matjila o dirisa malepa a tshwana le kamo, (allusion) kgotlhang ya dikakanyo le dipelaelano tsa baanelwa gammogo le metswako ya dipolelo tse di repileng le tse di šakgetseng go tshola babuisi ba thantse. Bodibeng jwa Matlhomola e a re gopotsa e bile e re thusa go itlhaloganya le go tlhaloganya kwa re tswang teng gore re tle re kgone go tlhaloganya maemo a re tshelang mo go ona gajaana. A o ke o e buise o tle o utlwe ka ga: • mekgwa ya merafe e e farologaneng e re agisaneng le yona le ya Yuropa; • lenyalo la ga Kgosi Seretse Kgama le Mohumagadi Ruth Kgama; • tsholo ya bafaladi ba Aforikaborwa kwa mafatsheng a Aforika le a Yuropa; • tiriso ya dinaane le hisetori mo kelelong ya ditiragalo tsa padi. * Moporofesara P.M. Sebate
Bodibeng jwa Matlhomola: UBC Contracted

Malakabe (tswana Novel): UBC Contracted
by D. S. MatjilaMalakabe e thadisa ka lerato la ga Kgathatso le Kereeditse. Ditiragalo di simolola mo letsatsing la baratani 14 Tlhakole. Kgathatso o bogisiwa ke mmangwaneagwe. O swetsa go inaya naga a sa itse gore Kereeditse o imile. Kereeditse o belega mawelana, mme o a tlogela kwa dikhutsaneng. Twins, a boy and a girl, are the result of a love relationship that ends when Kereeditse is deserted. The twins grow up in an orphanage not knowing they are related.